A naa TUT etla okaoka pele ga makgaolakgang? Tshotlhe di rulagantswe go leba fa TUT etla kgona go phumula madimabe a ngwaga wa 2015. TUT ene ya latlhegelwa ke sejana sa Varsity Cup sa 2015 fa ene e tadimolwa ke UWC 2-1 kwa Motse Kapa lefa ene ele bone bommamoratwa ba ngwagoola. Feela jaanong go lebega fa se se emeng magareng ga TUT le phenyo, ele feela batshamike ba setlhopa.
Go matshwenedi gore UJ le yone e fitlhelletse makgaolakgang a monongwaga mmogo le TUT, feela dipalopalo di supa fa TUT ele bone bommamoratwa go ka fenya sejana sa monongwaga. Feela motshameko was kgwele ya dinao o tletse dimakatso mme sengwe sengwe se ka direga ka motsi wa tshameko.
Re go fatlholla ka mabaka ale tlhano a tlhalosang goreng TUT etla tshela TUT ka thupa…
Go tshameka kwa gae go mosola thata
Lebala la TUT ke lona le le ba siametseng go gaisa otlhe monageng yotlhe.
Baemanokeng ba setlhopa ba matlhatlhaga mme seno se tshosetsa bao ba tshamekang kgatlhanong le setlhopa sa bone.
Mme ebile difela tsa baemanokeng di rotleetsa batshamike go berekella phenyo. Mosetlheng seno, TUT e dirile bontle fa e tshamekela kwa gae mme baemanokeng ba tla ba rotloetsa go dira botoka go gaisa ngwagoola.
TUT ga e tlhole e batla go tsewa botsatsa ke baagisana ba bone, UP-Tuks
UP-Tuks e fentse sejana seno ga bedi. Feela TUT ga ise ese bone kana go se tsholetsa.
Mme gaba rate ga bantse ba gopodiwa gore baagisana ba bone ba setse ba se fentse gabedi mme ebile ke bone setlhopa se se boneng phenyo go gaaisa botlhe mo kgaisanong eno.
Fa ba ka fenya sejana sa Varsity Cup, seo se tla nna bokhutlo jo bontle ba setlha sa bone mme kagore yalo, sejana se tla be se boela kwa Tshwane.
Go latlhegelwa ke makgaolakgang gabedi ka tatellano ga se se ba selakatsang
Setlhopa sa TUT se tla robega dipelo fa ba ka latlhegellwa ke sejana seno gabedi moditlheng tse pedi di salane morago. Mme go banala fa ba ka se dumelle seno go diragala. Ba lebega fa ba ikemiseditse go dira bojotlhe go bona phenyo mo kgaisanong eno.
TUT e batla go tswella motseleng ya phenyo feela
TUT ke sone setlhopa sele esi se sa latlhegelwang ke motshameko mo kgaisanong eno mme ba batla go tsholetsa rekoto eno. Go go bonolo go ba fenya mme ba tlile go lwantsha ditlhopa tsotlhe ka sengwe le sengwe se banang naso. Rekodo eno ya monongwaga mo sejaneng seno ke sengwe se se tla ba rotloetswang go gaisa go ka bona phenyo mme ka gore yalo ba tsholetsa sejana sa bone sa ntlha mo historing ya setlhopa.
TUT ga e batla rekoto se sa kgatlhiseng
Setlhopa se se tla latlhegelwang magareng ga TUT le UJ se tla nna santlha go latlhagelwa mo makgaolagannyeng gabedi faeseal kgaisano eno e simollwa.
Mme ga go sepe se se kgatlhisang ka rekoto eo mme TUT eka se lakatsa gonna le yone mo leineng la yone.










































